Arosemary tuck shop

Arosemary tuck shop Hahaha since childhood I always like to sell staying with my parents in ghetto Francistown praying, read Bible, preach. Play drama

26/04/2026
25/04/2026
25/04/2026

Thapelo Olopeng

24/04/2026

[2 Bakorinthe: 13:1
Jaanong ke la boraro ke tlang koo go lona; mafoko otlhe a tla tlhomamisiwa ka melomo ya basupi ba le babedi gongwe ba le bararo., 2 Bakorinthe: 13:2
Ba ba kileng ba leofa le ba bangwe botlhe ke ba boleletse pele, fa ke ne ke le koo la bobedi, le gompieno ke sa ntse ke bolelela pele, ke se yo, ka re: E tla re fa ke tla gape, ke se ke ke ba rekegele;, 2 Bakorinthe: 13:3
ka e le gore lo batla go bona sesupo sa gore Keresete o bua ka nna yo o seng bokoa tebaganong le lona, mme a le thata mo go lona., 2 Bakorinthe: 13:4
Gonne le fa a ne a bapolwa a le bokoa, o tshela ka thata ya Modimo. Kana le rona re bokoa mo go ene, mme re tla phela nae ka thata ya Modimo ka ntlha ya lona., 2 Bakorinthe: 13:5
Itlhatlhobeng ka losi gore a lo mo tumelong, lo iteke. A kampo ga lo itemoge, fa Jesu Keresete a le mo go lona? Kana fa go se jalo, lo ka bo lo sa ikanyege., 2 Bakorinthe: 13:6
Mme ke solofela gore lo tla lemoga, fa rona re se ba ba sa ikanyegeng., 2 Bakorinthe: 13:7
Mme ke rapela Modimo gore lo se dire bosula bope, e se gore rona re bonale re le ba ba tlhomameng, mme e le gore lona lo dire tse di molemo, mme rona re nne jaaka e kete re ba ba sa tlhomamang., 2 Bakorinthe: 13:9
Re a itumela, fa rona re le bokoa, mme lona lo le thata; mme se re se rapelelang ke gore lo nne ba botlalo., 2 Bakorinthe: 13:10
Ke ka moo ke lo kwalelang dilo tseo, ke se yo mo go lona, gore e re ke le teng, ke se ka ka dira ka bogale ka fa thateng e Morena o e nneileng ya go aga, e seng ya go rutla., 2 Bakorinthe: 13:11
Ke fetsa ka go re: Bakaulengwe, itumeleng lo siamisiwe, lo gomotsege; nnang le boitlhômô bo le bongwe fela lo agisanye! Foo Modimo wa lorato le kagiso o tla nna le lona., 2 Bakorinthe: 13:12
Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa.]

Address

Gaborone

Opening Hours

Friday 09:00 - 17:00
Saturday 09:00 - 18:31
Sunday 09:00 - 17:00

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Arosemary tuck shop posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Share

Category